Ke a leboga Mmusakgotla. Rona re le batho ba UCDP, dipelo tsa rona di gamuketse botlhoko ka rre Tolo. Rre Tolo o ne a re makatsa, re na le kgwedi fela re le fano, re sa itse ope fano, ka bona a tsena kwa go rona. Fa a tsena ga a ise a ke a dumedise, o tsene fela a bo a re wa bona wena kgaitsadio ke sebare sa ka. Jaanong ke ipotsa gore ntate yo ke mang, a bo a ipolela a re nna ke Tolo ke Leloko la Palamente. E le motho yo o nang le botho a re bolelela gore o itse mapalamente a rona.
Go tloga foo, rre Tolo ya nna tsala ya batho ba UCDP. Re maketse thata fa re tla go utlwa go twe rre Tolo o tsamaile. Fa re fetsa moo ka boela gae mme ka bolela gore go na le ntate yo mongwe yo o neng a tla kwa go rona a re bolelela gore o a le itse. E rile ke ise ke bue leina la gagwe rre wa ka a re o raya rre Tolo. (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[Ms I C DITSHETELO: Thank you, Speaker. As the UCDP members, we are heartbroken about Mr Tolo. Mr Tolo surprised us in only our first month here; we didn't know anyone and I saw him arrive at our place. He didn't greet when he came in; he just said your brother is my in-law. And I asked myself who is this man; he then said I am Tolo and I am a Member of Parliament. He was friendly and told us that he knew our fellow parliamentarians.
From there, Mr Tolo befriended UCDP members. We are shocked to hear that Mr Tolo has passed away. After that, I went back home and I told them about a certain gentleman who came and told us that he knew them. Before I could even say his name, my father asked if I was talking about Mr Tolo.] That was a very good man and he was polished.
Re utlwile borra Tolo gore re kgaogane le tsala ya rona. Go le gantsi fa re le mo dipolotiking ga re tshwaragane ka matsogo fela se se diragatseng gompieno se tshwanetse se re kopanye bagaetsho. Ke nnete ntate yo o tshetse le rona jalo ka nako tsotlhe. Ka nako tsotlhe o ne a re botsa gore le kwa kae maUCDP mme le dira eng. Tsogang! ntwa e teng. Jaanong ke ka moo ke reng ... (Translation of Setswana paragraph follows.)
[To the Tolos, we heard that we had separated from our friend. Normally in politics we are not united, but what happened today should unite us. It is true that this gentleman lived with us like that. All the time he used to ask us where the UCDP members were and what we were doing. Wake up! There's a war. That is why I say ...]
... may you find solace and comfort in the legacy he left, his commitment and willingness to serve his country and his firm stand on issues he believed in. May his soul rest in peace.
Kgotsofalang bagaetsho. A ntho ya lona e fole. Pelo tsa lona ga di utlwile botlhoko di tshwana fela le tsa rona. Ke a leboga.[Legofi.] [Celebrate his life and may your wound be healed. Your broken hearts are similar to ours. Thank you. [Applause.]]