Thank you very much, Mr Boinamo.
Mong wa me, jaaka o itse gore bohuma bo aparetse naga yotlhe, nka se kgone go go raya ke re dilo tsotlhe tse di tla bo di diragetse ka Keresemose. Seo, se raya gore bonnye jo ke setseng ke bo kaile, ke tshimologo ya diphetogo tseo di tla diragalang kwa Mbhashe. Ke ka fao e rileng fa ke simolola fano, ka re Tona ya rona ya Kago ya Metseselegae e dirile porofaele kwa dikgaolong di le pedi tse go fitlhetsweng e le gore tota le moloi o pelo botlhoko tota fa a fitlhela maemo a di leng mo go ona.
Jaanong, se ke se kayang ke gore, se re tshwanetseng go se dira jaaka le re baemedi ba set?haba mo Palamenteng ke gore re nne re latlhela leitlho, re seka ra ba lebala. Ntle le go dira seo, re tla tloga ra fitlhela e le gore fa morago ga dingwaga di le tharo tse di tlang, go tla bo se sa fetoga sepe. Ke tiro ya rona eo, e bile ke morwalo o re o rweleng mme re ikemiseditse go dira bonnye jo re ka bo kgonang go ba thusa gore le bona ba kgone go itirela. Ke a leboga mong wa me. (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[Hon member, as you know, poverty has escalated in the country in general; however, I can't commit myself that all these projects will be completed by Christmas. This means that the small projects that I have mentioned are a start of the changes that will unfold in Mbhashe. This is the reason why, in the beginning, I highlighted the fact that the Minister of Rural Development and Land Reform has compiled a community profile in two wards, and it was heartbreaking to discover the poor state in which these wards were found.
This poses a challenge to us as public representatives in Parliament in that we should not to forget to keep a watchful eye on the implementation of these projects. If we do not do this, we will find out that even after the next three years, nothing will have changed. It is our duty, as part of the mandate we carry out in assisting them with the little that we can offer as help, so that they will be able to do things on their own. Thank you.]