Ke a leboga Mmusakgotla le Tona ka karabo e o re e neileng. Ke a tshepa gore Lefapha le tlhopile batho ba ba nang le bokgoni e bile ba na le kgatlhego ya go bona gore ditshwanelo tsa bana, bomme le set?haba ka kakaretso di a tokafadiwa, e bile maemo a tlhokofatso mo nageng ya rona a tla fokotswa.
Tlhokofatso ya basadi le bana e gola letsatsi le letsatsi. A komiti e e tla bo e eteletswe pele ke Motlatsa Tonakgolo wa naga e tla fokotsa le go ruta set?haba ka botlhokwa jwa go tshela mmogo? Ke a leboga.
TONA YA BASADI, BANA LE BATHO BA BA NANG LE DIKGWETLHO: Motlotlegi, ke nnete batho ba ba tlhophilweng go tlhopha lekgotla leno, ke batho ba ba ikemiseditseng gape ba na le bokgoni. Ditona di tlhopile bakaedikakaretso, e leng batho ba re itseng gore ba na le boikarabelo gape ba kgona go tsaya ditshwetso tse di tla re isang kwa pele. Mekgatlho le yona e rometse bakhuduthamagabagolo, diporesidente le batlatsa diporesidente ba yone. Go a bonala gore set?haba se lebile gore mokgatlho ono o tswelele pele gape o nne le boeteledipele jo bo ikemiseditseng, jo bo tla kgonang go tsaya ditshwetso tsa boammaruri tse di lebaneng le basadi le bana mo Aforika Borwa gore kgatelelo le tshotlakako ya basadi le bana e fele. Ke a leboga. (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[Mrs G K TSEKE: Thank you, Chairperson. Thank you, Minister, for the answer that you have provided. I hope that the department has nominated members who possess the passion and the desire to see the rights of children, women and society at large protected, and who will also ensure that the levels of gender-based violence are decreased in our country.
Violence against women and children is growing daily. Will this council that will be led by the Deputy President educate our society on the importance of leading peaceful lives? Thank you.
The MINISTER OF WOMEN, CHILDREN AND PEOPLE WITH DISABILITIES: Hon member, the representatives who nominated members to serve on the council are the people with the skill and determination. The Ministers also nominated representatives who are responsible and are able to make decisions that will move us forward to serve on the council. Different organisations also sent their executive members, presidents and deputy presidents. It is evident that society believes that this council will make progress, and possesses determined leaders who will be able to make good decisions focused on issues affecting women and children in South Africa so that violence against women and children can be brought to an end. Thank you.]