Modulasetilo le Maloko a a tlotlegang a Palamente, motswana wa lekgorokgoro o kile a bua a re sa ntlha ke sa ntlha, sa bobedi ke dithuthuntshwane. Ka go rialo Modulasetilo, ke rata go simolola kwa tshimologong ka gore mokgatlho wa ANC o ikamanya e bile o dumalana le ya Tekanyetsokabo ya lefapha jaaka e abilwe ke Tona Dina Pule, gompieno. Jaaka ke rile, sa pele ke sa pele ... (Translation of Setswana paragraph follows.)
[Ms S R TSEBE: Chairperson and hon members of Parliament, an old traditional Motswana once said that whatever you said first stands. Still on that note, Chairperson, I would like to start by saying that the ANC supports and agrees with the Budget Vote of the department as provided today by Minister Dina Pule. As I've said, what one said first ...]
... I would like to deal with issues raised by some of my colleagues on my left Hon Kilian, it is an insult for you as a woman to display "pull-her- down syndrome". The hon Minister is a woman, like you.
Ka Setswana re a re, mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng. Fa ngwana a rotela dikobo, ga o palame kwa godimo ga ntlo o be o goeletsa, o re o batla thuso. [In Setswana we say, a woman always protects her child. If a child is still wetting the bed, you do not climb on top of the roof and scream for help.]
You must help her to improve where you see there is a need for improvement. Hon Shinn, I am disappointed in you, umshini wami [my machine gun], about all the questions that you have raised today, because they were responded to in the same boardroom by the Department of Communications. You raised all those questions and they were responded to in detail. You are repeating those questions simply because elections will be held next year and you just want to score cheap political points. People will vote for the ANC come 2014. [Applause.]
Motlotlegi Modulasetilo, go ne go le botlhokwa gore ke fete ka bagwebi pele ke tsena mo dikgannyeng. Phitlhelelo ya tsa tshedimosetso, kgolagano le setegeniki e tswelela go nna setlapele mo Aforika Borwa, morago ga kgorogo ya temokerasi. Go fitlhelela go nna teng le go neelana ka ditirelo tse di tlhotlhwa tlase tsa information and communications technology, ICT, ke selo se se tsweletseng go nna selo sa ntlha mo pusong, e bile ke mokgwa o ka ona re ka tokafatsang le go tlhabolola naga ya rona. Se, se godisa le go tsweletsa ekonomi le go kitlanya set?haba. Le fa gontse jalo, phitlhelelo ya ditirelo tsa ICT go botlhe e tswelela go nna kgwetlho go bontsi jwa Maaforikaborwa, bogolosegolo, basadi le bahumanegi ba ba nnang kwa metsemagaeng.
Maloko a a tlotlegang, go neelana ka ditirelo tsa ICT go botlhe go laolwa ke molao go netefatsa phitlhelelo e e feletseng ya thekenoloji ya se?weng; go ntshetsa pele kgolo ya ikonomi; go tlisa bokhutlong go sa lekalekaneng gareng ga batho ba ba kwa magaeng le kwa metsesetoropong; le go tlisa kwa bokhutlong go sa lekalekaneng ka mmala. Ka jalo, go botlhokwa gore maloko a a ka fa molemeng ba lemoge gore - ga ke itse gore a ba nkutlwa - maitemogelo a Maaforikaborwa ga a tlholwe ke dingwaga tsa taolo ya neeletsanokgakala, mme bogolo e tlholwa ke taolo ya ga jaana e e tlisiwang ke puso e e eteletsweng pele ke ANC, morago ga tshenyo e e tlhodilweng ke dipholisi kgetololo tsa mebuso e e fetileng ya tlhaolele, borre De Klerk le ba bangwe - boBrutus. (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[Hon Chairperson, it was important to take a break before I delivered my speech. After the advent of democracy, access to information, communication and technology continues to be at the forefront in South Africa. Achieving and providing low-cost information and communications technology, ICT, is a first for government, and it is a way in which we can better and develop our country. This grows and improves the economy and brings the nation together. Nevertheless, access to ICT for all continues to be a challenge to most South Africans, especially women and the poor in the rural areas.
Hon members, providing ICT services to all is determined by law to ensure complete access to the latest technology, to advance economic growth, to end the disparity between urban and rural dwellers, and to end racial discrimination. Therefore, it is important for members on the left to realise that; I am not sure if they understand me. South Africans' experiences are no longer established by the years of apartheid ruling, but by the present ruling of the ANC-led government after the disaster caused by the discrimination policies established during apartheid, the De Klerks and others - the Brutus.]
It is therefore crucial, hon members, to note that the philosophy that informed apartheid and the ideology behind the promotion of universal service and access are mutually exclusive. Quoting from Maitland's theory:
Within South Africa, the missing link exists not only along national lines, but also along race and class lines.
In 1994 the new ANC-led government inherited the highest average teledensity among low- to middle-income people, and a racially skewed teledensity: 89% of white households; 77% of Asian households; 43% of coloured households; and only 11% of black households, hon Shinn.
Privileged white areas in urban centres were better serviced by fixed telephone exchanges, whereas the rural needy were deprived the sophisticated infrastructure. South Africans must not be fooled and forget where we come from.
Modulasetilo, ke rata go akgola puso e e eteletsweng pele ke ANC, gonne go simolola ka ngwaga wa 1994 re busa, seemo sa thebolelo ya tsa tlhaeletsano se fetogile e le ruri, ebile re dumela gore go le gontsi go sa ntse go tla dirwa. Tona Pule, ke ikgantsha thata ka motsana wa Mantserre kwa Masepaleng wa Selegae wa Moses Kotane, moo re boneng puso mmogo le mmaene wa Anglo American ba kopanya ditlhogo go agela baagi poso ya maemo a a kwa godimo e e neng ya bulwa semmuso ke Rre Padayachie - a mowa wa gagwe o robale ka kagiso. (Translation of Setswana paragraph follows.)
[Chairperson, I would like to congratulate the ANC-led government. Since it has been in power from 1994, the status of delivering communications infrastructure has really changed, but we agree that more still needs to be done. Minister Pule, we are very proud of Mantserre village in the rural municipality of Moses Kotane, where government and the Anglo American mine worked together to build a state-of-the-art post office for the community, which was officially opened by Mr Padayachie - may his soul rest in peace.]
For the first time in their lives, this community had access to a post office in 2010. It will also cater for nearby villages.
Re ne ra bona gape Universal Service and Access Agency of SA, Usaasa, e abela baagi ba metsemagae, mo diporofenseng tse di farologaneng jaaka Free State le Eastern Cape, dikhomputa le laeborari ya inthanete mo dikolong di feta some le boraro.
Kwa Ramokokastad, re bone Motlatsatona, Mme Abrahams, mmogo le Sentech ba abela sekolo se segolo sa Kwenatlase dikhomputa di le 20 le kgokaganyo ya inthanete. Re ne ra bona gape baagi ba kwa Dry Harts, kwa Dr Ruth Segomotsi Mompati, ba itumelela puso fa Sentech e thankgolola transmitara ya maatla a a kwa tlase, eo ka yona baagi ba tla nnang le t?hono ya go bona thelebi?hene e e senang dinaledi, le go utlwelela seyalemowa se se sa gweretlheng. Go feta foo - di dintsi - Usaasa e abetse baagi ba kwa Muzekhaya Community Development Centre kwa Siyabuswa, ka go ba abela dikhomputara di le 22. Setei?ene sa baagi sa Moutse sona se neilwe dikhomputara di le 15, kgokaganyo ya inthanete le diphorintara tse di dirisetswang mabaka a a farologaneng. Modulasetilo, tsotlhe tse, ke diphitlhelelo. A re lebogeng puso ya ANC. [Legofi.] (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[Again, we also witnessed the Universal Service and Access Agency of SA, Usaasa, handing over computers to rural communities in different provinces like the Free State and the Eastern Cape, and cyber labs to more than 30 schools.
In Ramokokastad we witnessed the Deputy Minister, Mrs Abrahams, together with Sentech, handing over 20 computers and Internet connection to Kwenatlase High School. We also witnessed how pleased the people of Dry Harts, in Dr Ruth Segomotsi Mompati, were with government when Sentech launched a low-power transmitter, which will give the community an opportunity to view clear television and listen to clear radio transmissions. Moreover Usaasa handed 22 computers to Muzekhaya Community Development Centre in Siyabuswa. Moutse community radio station received 15 computers, Internet connection and multipurpose printers. Chairpersons, all of these are achievements. Let us thank the ANC government. [Applause.]]
This is universal service access in totality.
Ke fela gore nnete e a baba kwa malokong a a tlotlegang a a ka fa molemeng wa me. Mme, ke ne ke re a re ikgomotseng ka mafoko a moswi Rre Chinua Achebe - le ena a mowa wa gagwe o robale ka kagiso - fa a ne a re, ke a nopola ... "If you don't like someone's story, write your own." (Translation of Setswana paragraph follows.)
[It is just that to the hon members on my left, the truth hurts. Nevertheless, I was just saying, let us comfort ourselves with the words of Mr Chinua Achebe - may his soul also rest in peace.]
So, this is my story. If you don't like it, write your own. I will never allow South Africans to be misled. I'm here with a mandate to inform them, and that is what I am doing now. [Applause.] [Interjections.] You can howl and do everything, but I'm focused. Hon Chairperson, community radio stations were established to ensure that the rural poor ... [Interjections.]