Fa e ne e le rona ba ba dirang di-Tweet tsa ura di le 24, di lebane le motho a le esi, o ne o tla utlwa gore go tla tweng ka ANC. Jaanong ke bona ba didimetse, ba sa bone gore go maswe fa moeteledipele wa bone a dirile jalo mo mosetsaneng yo o dirang kwa makwalodikgannyeng. Seo se a makatsa gonne ba rata gore ke bone ba ba rotloetsang kgololesego mo puong. Re a makala gompieno fa ba se na sepe le se ba se bitsang kgololesego mo puong.