Motlatsamodulasetilo, ga ke a itumela ka karabo e ke e filweng. Mo Ntlong eno re tshwanetse go nna le batho ba ba fetolang dipuo tse dingwe ba di fetolele mo puong tsa rona. Fa ke botsa leloko gore fa e ne e le gore o kopane le Roelf Meyer, ba ne ba utlwana se ba se buwang. Potso ya ka ke gore, mo puisanong ya bona, a ba sale ba bua gore lefatshe batla le fitisetsa leng go beng ba lona, gonne Roelf Meyer ke o mongwe wa batho ba ... [Tsenoganong.]
Afrikaans: