Okay, Madam Deputy Chair. I did understand what he was saying but...
Setswana:
...ke nnile le kgatlhego go seo a neng a se bua ka gonne e kete o bua selo se se botlhokwa. Ka jalo, ke ne ke batla go mo botsa potso, ke sa itse gore ke tlabe ke sa tlhomphe fa ke botsa potso fela nna ke bona e kete ka tlhompha ka potso eo.
A ga a ise a tle a bue le Roelf Meyer ka gore lefatshe la rona re ka le bona jang? Fa a ne a ntse a bua le Roelf Meyer, ga a ka a bua ka lefatshe gore re tla le bona jang ka gonne re a le batla?