Ke a leboga motlotlegi Mmusakgotla. Tona, re le baagi ba Bokone Bophirima re lebogela matsapa a gago le lefapha a go bona gore batho ba rona ba amogela diphuthelwana tsa dijo, batho ba e leng gore ba a di tlhoka e bile ba bolawa ke tlala. Potso ya me ke gore: A o tla netefatsa gore batho ba ba neng ba amogela diphuthelwana tsa dijo, ba tla bona tshegetso eo go fitlhela malapa a bona a nna le bokgoni?
TONA YA TLHABOLOLO LOAGO: Ee mme, go jalo. [Setshego.] (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[Mrs M V MAFOLO: Thank you, hon speaker. Minister as the residents of North West we would like to thank you for the efforts taken by you and your department in ensuring that our people receive food parcels, especially those who need them and the poor. My question is: Will you ensure that those who received these food parcels continue to receive this support until their families are able to make a decent living?