Ke a leboga, Modulasetilo. Ke ema fano mo boemong jwa ANC, ke bua ka tshwetso e e neng ya tsewa mo konferenseng ya bo 52 ya ANC. Tshwetso eo e ne e le ka ga ditlhakolo tse di latelang: Phetolo ya Temothuo; go busediwa ga mafatshe; le tlhabololo ya metse selegae, tseo e leng tsona tse ANC e tlileng go gatang thata mo go tsone.
Dintlhakgolo tseo di bonagetse ka ngwaga wa 2010 fa re ne re le kwa Moesha, Moporesitente Zuma le Tona ya Tlhabololo ya Mafatshe, Rre Nkwinti, ba ne ba le teng. Re le ba Lefapha la Tlhabololo ya Mafatshe ra re: Fa tlhabololo e diragalang gona, go nna le porojeke ya tomagano.
Rre Worth o ne a le teng, a ka netefatsa se. Ke belaela gore o ne a tsherwe ke sedidi. [Setshego.] Ka a ne a sa tlhaloganye se go neng go buiwa ka ga sona. Morago ga fao; go ile ga tlhomiwa diporojeke di le dintsi tsa Phetolo ya Temothuo. Rre Worth a re ga re ise re fitlhelele maikaelelo a rona. Kgwetlho e re nang le yona; ke ya fa balemirui bao ba tshwereng mafatshe, ba tlhatlhosa theko ya tlhotlhwa ya fa re re re a reka. Re tshwanetse go bua, fela dingwaga tsona di a tsamaya.
Jaanong se ke batlang go se bua ke gore: Rona re le ba ANC re tshegetsa tekanyetsokabo e. Go feta fao, bao ba kgatlegelang go feta fano, ba ka lebelela Agri South Africa ka ura ya 5:30 go ya ka ya borataro mo mosong. Mo lenaneong leno ba tla bona batho ba ba setseng ba tsweletse pele go supa gore tlhabololo e ya Konforense ya bo 52 ya ANC, e setse e le mo tirisong, ebile e a bonagala. [Nako e fedile] Re tshegetsa tekanyetsokabo ya Temothuo. [Legofi.] (Translation of Setswana paragraphs follows.)
[Mr G G MOKGORO: Thank you, Chairperson. On behalf of the ANC, I would like to talk about the resolution taken at the ANC's 52nd national conference. The resolution was about the following main issues: Agricultural Reform, land redistribution and rural development, which are the ANC's main focus.
Those main issues were visible in 2012 when we were at Moesha. President Zuma and the Minister of Rural Development and Land Reform, Mr Nkwinti, were both present. As the Department of Rural Development and Land Reform we say: Where there's a development, there's a project of unity.
Mr Worth was also present - he can attest to that. I suspect that he was confused. [Laughter.] He couldn't understand what was being spoken about. After that meeting, a lot of agricultural reform projects were established. Mr Worth said we haven't achieved what we wanted to achieve. The challenge we are faced with is that of farm owners who increase the selling price whenever we want to buy those farms. We have to engage with each other, but years are passing by.
What I want to say now is that as the ANC we support this Budget Vote. Furthermore, those who have further interest can watch Agri South Africa from 5:30am till 6am. On that programme they'll see people who have benefited and progressed, showing that this development from the ANC's 52nd national conference is already in use and it is visible. We support the Budget Vote on Agriculture. [Time expired.] [Applause.]]
Vote agreed to (Democratic Alliance and Independent Democrats dissenting).
Vote No 34 - Science and Technology - put and agreed to.
Vote No 35 - Tourism - put and agreed to.
Vote No 36 - Trade and Industry - put:
Declarations of vote: