Modulasetilo, ke solofela gore ke maikarabelo a Palamente go netefatsa gore leloko lengwe le lengwe la Palamente le kgona go tsaya karolo mo ditirong tsotlhe tsa Palamente motsotso o mongwe le o mongwe le letsatsi lengwe le lengwe. Ka jalo, ke kopa ka tsweetswee gore re diragatse molao le molawana o o beilweng fa pele ga rona ke Ntlo ya Palamente go netefatsa gore motl Mme Khawula le ene o kgona go tsaya karolo ya ditiragatso tse di diragalang mo Ntlong eno.
Ga re a tshwanela go tsaya ditshwanelo tsa ga Mme Khawula tsa gore a utlwe se se buiwang, go tsaya karolo le go phetha tiro ya gagwe gonne go se na ope yo o buang puo ya gagwe mo Ntlong eno. Modulasetilo, ke kopa gore rotlhe re tseye karolo mo Ntlong eno.
Rona ga re tshwane le maloko a ANC a a tlileng mo Palamenteng go tla go nna fela re sa dire sepe o kare ...
English:
... business as usual. [Interjections.] This business is not usual at all.
Setswana:
Re batla go bua dipuo tsa rona le go di godisa. Re ka se rate fa dipuo tsa rona di ka ?wa bakeng sa ...
English:
... because of apartheid and the imperial systems of this Parliament. We can't allow the minority to continue to lead us. Never! Not in our presence.