The hon House Chairperson, the Minister, Comrade Mamoloko Ngubane, Comrade Deputy Minister, Fish
Mahlalela, the collective members of the Committee on Tourism, we are also taking this responsible to acknowledge amongst ourselves, the Chairperson of South African Tourism, Ms Yako, ladies and gentlemen and South Africans who are paying attention to this particular debate.
Setswana:
Gompieno ke letsatsi la matsalo la ga Solomon Mahlangu. Rotlhe re a itse bagaetsho gore Solomon Mahlangu ke yo mongwe wa digatlhamela masisi tsa kgaratlho kgolo tseneledi ya rona ya boset?haba mo nageng ya rona ya Aforikaborwa. Rotlhe re a itse gore Solomon Mahlangu o ne a ineela go lwela kgololosego go fitlhelela mmuso wa tlhaolele o mo tseela botshelo jo bo ka kwano. Re a re a mowa wa gagwe o robale ka kagiso.
Re le komiti re kopane ra dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore, ledi le la lefapha le eleng dibilione dile 2,3; re tshwanetse ra netefatsa gore re dirisana le lefapha gore ledi le le dirisiwe sentle. Mo tirisanong ya lefapha re tlile go dirisana gape le Bojanala jwa Aforikaborwa. Mme fa re ne re dumalana re le komiti, re ne re sa moma melomo. Re shebisitse mabaka a eleng
gore ka fa tlase ga ona, go tshwanetse ga nna le tsamaiso e ya go netefatsa gore bojanala bo a natlafatsa mo nageng ya rona ya Aforikaborwa.
Selo sa ntlha batlotlegi se re neng sa re shebisisa ke gore, go ya ka mokgatlho wa tsamaiso ya bojanala mo lefatsheng, naga e leng gore e kwa setlhoeng ka go etelwa mo lefatsheng ke naga ya Spain. Selo sa bobedi se re neng ra se shebisisa, se o se tswang ko World Travel and Tourism Council, ke gore bojanala ke enngwe ya karolo ya ikonomi e e golang ka lebelo le le gaisang mo botshelong. Selo sa boraro se re neng ra se shebisisa ke gore, go ya ka World Economic Forum Travel and Tourism Competitive Index, rona re le Aforikaborwa, mo dinageng di le 136, rona re mo maemong a bo 53.
Jaanong, ke e nngwe ya mabaka a re neng re a shebisisa sentle jaaka komiti pele re dirisana le lefapha. Selo seo gape re dumalaneng ka sona ke gore Molaotheo e tla nna pilara e re ka itshegetsang ka yona go dira tiro ya rona jaaka komiti. Jaanong, re buile re le komiti gore ga re batle go tshwana le diila-kgaka dinwa-moro, tse eleng gore ga di rate kgaka mme di rata moro wa
kgaka e. Ebile re dumalane gape gore ga re ye go nna batho ba ba itshelang moriti o tsididi ka dikgwetlo tse o re ka tswang re lebane le tsona re le naga.
Jaanong re ne re re re bue bagaetsho re e tlhamalatsa mo pepeneneng gore, seo re ratang go se fitlhelela re le naga ya Aforikaborwa, ke go aga Aforikaborwa o o kopaneng wa temokerasi a sa tlhaole batho ba mmala, bong le nonoso ya ikonomi go tswela baagi botlhe mosola. Re dumalana le wena Tona ya rona gore, fa re dirisana mmogo, re tla kgona go fitlhelela tseo re ikaeletseng go di fitlhelela. Tsela kgopo ga e latse nageng. E re e tsamayang tsela ke ya motsopodia mme re matlafetse go fitlhela maitlhomo le maikaelelo magolo a rona.
Jaanong, re ne re re re itsise set?haba re le komiti gape gore ba o ba tlileng gore loma serota fa dingwaga di ntse di tswela pele, ba tshwanetse ba fitlhela e le gore kgang e ya bojanala re e baakantse, rona bao ba tlileng pele ga bona botshelong jo bo ka kwano. Ke ka ntlha eo re le komiti re dumalane ka bongwe fela jwa pelo gore fa re sena go dira tiro e re e dirang e, e tshwanetse ya bontsha tota gore re tlhaloganya sentle fa
motswana are; kgakakgolo ga kena mebala, mebala e di kgakaneng, re a be re raya eng gore bao batlang ko morago ga rona ba kgone go ungwelwa maungo ao re a jalang mo letsatsing la gompieno. Seo re se dira re tshwaragane ka bongwe fela jwa pelo le lefapha jaaka ke setse ke tlhalositse.
Bajanala fa batla ka kwano mo nageng ya rona, e nngwe ya dilo tse e leng gore ba tshwanetse ba itumelela tsona, ke tshireletso ya bona ka kwano mo nageng. Jaanong, re dumalane fela ka bongwe jwa pelo re le komiti gore ekete lefapha le ka dirisana le Lefapha la Tshireletso gore bajanala ba rona ba nne ka tshireletsego mo nageng e ya rona ya Aforikaborwa fa ba setse ba tlile ka kwano go tla go itumelela tseo re di dirang jaaka naga.
Jaanong le tla gopola bagaetsho gore fa re ne re kopane ko komiting, e nngwe ya mabaka a a tlhagisitseng gore go nne jaaka ekete bontsi jwa bajanala ga batle ka kwano mo nageng ya rona ya Aforikaborwa, ke magatwe- gatwe a tlhakatlhakano e e kaiwang gore gongwe e ka tlhagelela mabapi le kgang tsa mafatshe. Jaanong re ne re re kgang e ya lefatshe bagaetsho, re e tlhamalatse gore ke mosekaphofu wa gaabo yo o sa sweng lentswe.
Jaanong, mabaka a marataro a e leng gore ke ne kere ke a tlhalose ka bokhutshwane fela a re tshwanetseng re a tlhalosetsa bao eketeng ba nale ketsaetsego ya go tla mo nageng ya rona ya Aforikaborwa jaaka bajanala e e tsamaisanang le kgang e ya lefatshe. Lebaka la ntlha ke gore rona maAforikaborwa re batho ba ba dirang dilo ka maikarabelo. Lebaka la bobedi ke gore jaaka Tautona a setse a tlhalositse maloba, rona re le Aforikaborwa re sala Molaotheo morago. Lebaka la boraro ke gore kgang e ya lefatshe re tlile go e dira ka mokgwa wa go netefatsa gore go nne le poelano, phodiso le nt?hafatso ya naga ya rona ya Aforikaborwa. Lebaka la bone ke la gore re kgone go momaganya baagi ba rona ba Aforikaborwa go sa kgatalasege mmala wa bone. Lebaka la botlhano ke gore re tshwanetse ra netefatsa gore manokonoko ao a tlhageletseng baagi ba rona mo dingwageng tsa maloba tse di fetileng re a fedisa. La borataro ke la go fedisa botlhoki, go sa lekalekane le go sa nne le ditiro mo nageng e ya rona e.
Jaanong re tlile go lo kopa bagaetsho gore fa re bua le bajanala ba ba ratang go tla mo nageng e ya rona ya Aforikaborwa, re se ke ra dira dilo tse di neng di a diriwa ke monna mongwe wa ko
Vendersdorp, leina la gagwe ke Terreblanche. Terreblanche yo o ne a re ditlhopho di le gaufi ka ngwaga wa 1994, o ne a ntsha lentswe la gore basweu ba tseye dinama, ditlhapi le metsi, ba di beye ka ntlha ya gore ntwa e le mo tseleng. Jaanong selo seo se se neng se buiwa ke ntate Terreblanche le ba bangwe, ga ese se ke se diragale. Jaanong go nale batho ba ba tshosang batho ka kgang e ya lefatshe gore go tlile go diragala ka mokgwa o Terreblanche o ne a bua ka teng. Jaanong re ne re re baagi ba rona ba itse gore selo seo sa go tshwana fela le seo Terreblanche o neng a eletsa gore se diragale sa gore go nne le tlhakatlhakano. Ga go ye na le tlhakatlhakano ya mofuta ofe kapa ofe mo nageng e ya rona e.
Sedikwa ke nt?apedi ga se thata. Re dumalane rele komiti gore re kope Mokhuduthamaga gore fa a dirisana le mafapha a mangwe, a buisane le bone gore ba leke gore sengwe le sengwe se ba se dirang se nne le kgang e ya bojanala e. Selo se sengwe gape se re se kopang ke gore, fa re buisana ka kgang e ya bojanala e, a re leke gore e seke ya nna ditoropo tse ditona fela jaaka bo Gauteng, Durban, Pretoria le ditoropo tse dingwe tse ditona. Re netefatse gore kgang e ya bojanala e, ya tsenelela go thusa
baagi ba rona ba metsemagae, metsesetoropo le ditorotswana ka ntlha ya gore go ya ka tsamaiso le tshedimosetso ya Statistics South Africa, batho ba eleng gore ba tlhoka go feta mo nageng e ya rona e, ke baagi ba rona ba kwa magaeng mme re tshwanetse ra leka gore re ba thuse.
Re dumalane Tona gore, Hauwick Falls le mafelo a mangwe a kgatlhego mo nageng e ya rona e, re leke gore re di tlhokomele di seke di a nna ka mokgwa o o eteng di wela ka tlase ka teng. Mo tumalanong ya rona re le komiti gape re dumalane, Tona, re le seboka gore, kamano magareng ga rona e tla nna kamano e e edileng jaanong gore batho batle ba nkutlwe sentse, e ke tla e bala ka sekgoa e.
English:
In the execution of our mandate as a committee, the relationship between the portfolio committee and the department will be uncomplicated, co- optable, uncompromising and reciprocative oversight system. That is what we are going to apply when we engage with the department. [Applause.]
Setswana:
Ere ke nopole mokwadi fa, leina la gagwe ke Anita Septimus, mme are:
English:
"You don't choose the day you enter the world and you don't choose the day you leave. It's what you do in between that makes all the difference."
Setswana:
Ke Anita yoo. Ke a leboga motsamaisa tiro wa letsatsi la gompieno. [Legofi.]