Hon Deputy Chairperson, good afternoon. The land reform and rural development now with agriculture, is one of the most important departments in our government.
Setswana:
Mokgatlho wa ANC jaaka e le mokgatlho o mogolo wa naga eno, o atlenegisa Tekanyetsokabo 38 e e filweng lefapha. Lefapha le filwe matlole a a kanang ka R10,946 ya dimilione e e bonalang e le kabo e e kwa tlase, mme re lebogela go itse gore motshwaratekanyo o tla kgona go e dirisa ka tshwanelo. Re le mokgatlho wa ANC re batla go itsise jaana gore Moporesitente wa rona o amogetse ditshitshinyo le dikakanyo tsa mokgatlho wa DA ka Puo ya Moporesitente ya Pulo ya Palamente.
O tlhagisitse fa go le botlhokwa thata gore lefatshe le neelwe beng ba lona. Go ya ka kgobokanyo ya Freedom Charter mo ngwageng wa 1955, mokgatlho wa ANC o ne wa bonela pele gore lefatshe le boele go beng
ba lona. Gompieno re makatswa ke go bona bo mabinagotsholwa ba ba tlolatlolang ba bina pina ya tshwene e ba sa itsing gore e lediwa ke mang.
Ba bua dipuo tse ba sa di itseng, mme ga ba itse gore kgang ya lefatshe e simolotse leng. [Legofi.] Re le mokgatlho wa ANC, re batla go bona gore ba tla ikamanya le mokgatlho wa DA o o leng kgatlhanong le gore lefatshe le busediwe mo go rona. Lefatshe le le thupilweng ke dinwamadi e leng mmuso wa maloba wa kgatelelo. Re le mokgatlho wa ANC, re sa le re na le ponelopele ya go busetsa lefatshe go beng ba lona.
Re tshegetsa kakanyo ya poelo ya lefatshe go beng ba lona e e tlhotlhomisitsweng ke Moporesitente Rre Matamela Ramaphosa mo pegelong ya lefatshe. Pego eno ga e na matshosetsi mo set?habeng jaaka ke utlwa dinotshi di opela mo teng ga mafuti. Pego eno e bontsha jaaka go tlile go nna le kanelo mo go rona jaaka baagi le gone e bontsha gore lefatshe le fiwa batho botlhe ka kakaretso, e seng jaaka ba bangwe ba bua gore ke la batho ba ba rileng. ... [Tsenoganong.]
Re le mokgatlho wa ANC re dumalana le tekanyetsokabo eno. [Legofi.] [Nako e fedile.]
Division demanded.
The Council divided.